Seteitemente seno sa bosephiri se dira go ditsha tsa webo tsa Microsoft, ditirelo le dikumo tse di kgobokanyang tshedimosetso le go bontsha melawana eno, go akaretsa le ditirelo tsa bone tsa kumo ya tshegetso o se mo inthaneteng. Ga se dire go ditsha tsa Microsoft, ditirelo le dikumo tse di sa bontsheng kgotsa tse di sa gokaganang le seteitemente seno kgotsa tse di nang le diteitemente tsa tsone tsa bosephiri.
Tsweetswee buisa ditshobokanyo tse di fa tlase o bo o tobetsa go "Ithute mo go Oketsegileng" go bona dintlha tse dingwe mo setlhogong se se rileng. Gape o ka nna wa tlhopha dikumo tse di beilweng mo lenaaneng le le fa godimo go leba seteitemente sa bosephiri sa kumo eo. Dikumo dingwe, ditirelo kgotsa diponagalo tse di umakilweng mo seteitementeng seno di ka tswa di se teng mo mebarakeng yotlhe. O ka bona tshedimosetso e nngwe ya boikemisetso jwa Microsoft jwa go sireletsa bosephiri jwa gago go http://www.microsoft.com/privacy.
Bontsi jwa ditsha tsa Microsoft di dirisa "dikhukhi", difaele tse dinnye tsa mafoko di kgona go buisiwa ke sefara ya webo mo bonnong jo bo bayang khukhi go disekethata ya gago. Re ka nna ra dirisa dikhukhi go boloka ditlhopho tsa gago le dithulaganyo, ra thusa ka go tsena tirong; ra neelana ka dipapatso tse di go totileng; le go sekaseka tsamaiso ya setsha.
Gape re dirisa dibikhone tsa webo go thusa go romela dikhukhi le go rulaganya ditshekatsheki. Tseno di ka akaretsa dibikhone tsa webo tsa leloko la boraro, tse di thibetsweng go ka kgobokanya tshedimosetso ya gago ya sebele.
O na le didiriswa tse di farologaneng go laola dikhukhi le botegeniki jo bo tshwanang, go akaretsa:
Tsela e re dirisang Dikhukhi ka yone
Bontsi jwa ditsha tsa webo tsa Microsoft di dirisa "dikhukhi", tse e leng difaele tse dinnye tsa mafoko tse di bewang mo disekethata ya gago ke sefara ya webo. Dikhukhi di na le mafoko a a ka balwang ke sefara ya webo mo bonnong jo bo go neetseng khukhi. Mafoko ao gantsi a na le mogolagang wa dinomore le ditlhaka tse di tlhaolang khomphuithara ya gago ka mo go kgethegileng, mme di ka nna le tshedimosetso e nngwe gape. Sekai sa mafoko a a tsentsweng mo khukhing a Microsoft e ka nnang ya a tsenya mo motshineng wa gago fa o etela nngwe ya diwebosaete tsa rona ke seno: E3732CA7E319442F97EA48A170C99801
Re ka dirisa dikhukhi go:
Dingwe tsa dikhukhi tse re nang le go di dirisa di thathamisitswe mo chateng e e latelang. Lenaane leno ga le a felela, mme le diretswe go bontsha mangwe a mabaka a go bo re dira dikhukhi. Fa o etela nngwe ya diwebosaete tsa rona, saete e ka nna ya rulaganya dingwe tsa dikhukhi tse di latelang kgotsa tsotlhe:
Mo godimo ga dikhukhi tse Microsoft e ka di rulaganyang fa o etela setsha sa rona sa webo, batho ba boraro ba ka nna ba rulaganya dikhukhi dingwe go disekethata ya gago fa o etela ditsha tsa Microsoft. Mo maemong mangwe, seno se dirwa ke gore re thapile motho wa boraro go neelana ka ditirelo dingwe mo boemong jwa rona, tse di jaaka ditshekatsheki tsa setsha. Mo maemong mangwe, seno se dirwa ke gore ditsebe tsa rona tsa webo di na le diteng kgotsa dipapatso tse di tswang kwa bathong ba boraro, jaaka dibidio, diteng tsa dikgang kgotsa dipapatso tse di rometsweng ke mafaratlhatlha a mangwe a papatso. E re ka sebatli sa gago se golagana le disefara tsa webo tsa batho ba boraro go bona diteng tseo, batho bao ba boraro ba kgona go rulaganya kgotsa go buisa dikhukhi tsa bone go disekethata ya gago.
Tsela ya go Laola Dikhukhi
Ka sekai, mo go Internet Explorer 9, o ka kgona go thibela dikhukhi ka go tsaya dikgato tse di latelang:
Ditaelo tsa go thibela dikhukhi mo dibatling tse dingwe di teng mo http://www.allaboutcookies.org/manage-cookies/.
Tsweetswee ela tlhoko gore fa o tlhopha go thibela dikhukhi dingwe o ka nna wa se ka wa kgona go saena gore o tsene kgotsa go dirisa dikarolo tse dingwe tse di dirisanang le eno tsa saete ya Microsoft le ditirelo tse dingwe tse di ikaegileng ka dikhukhi tseo le dikarilo tse dingwe tse o ka di tlhophang tsa papatso tse di ikaegileng ka dikhukhi di ka nna tsa se ka tsa kgona go lemogwa.
Ka sekai, go Internet Explorer 9, o ka nna wa phimola dikhukhi ka go tsaya dikgato tse di latelang:
Ditaelo tsa go phimola dikhukhi mo dibatling tse dingwe di teng mo http://www.allaboutcookies.org/manage-cookies/.
Tsweetswee ela tlhoko gore fa o tlhopha go phimola dikhukhi, diseting dipe le ditlhopho tse di laolwang ke dikhukhi tseo, go akaretsa ditlhopho tsa papatso, di tla phimoga mme di ka nna tsa tlhoka go tlhangwa sesha gape.
Dilaola Sebatli tsa "O se Ka wa Latedisa" le go Sireletsa Mokgwa wa go Latedisa. Dibatli dingwe tse disha di tsentse karolo ya "O se ka wa Latedisa". Bontsi jwa dikarolo tseno, fa o didirile gore di tshubile, di romela molaetsa kgotsa tlhopho kwa webosaeteng e o e etetseng di bontsha gore ga o rate gore di latedisisiwe. Disaete tseo (kgotsa dintlha tsa ditlamo tse dingwe mo disaeteng tseo) di ka nna tsa tswelela di dira dilo tse o ka nnang wa di leba e le go latedisisa lefa o tlhalositse gore ga o batle di latedisisa, go ya ka gore ditiro tsa khupamarama tsa saete eo di dira jang.
Internet Explorer 9 le 10 di na le karolo e e bidiwang Tshireletso ya Tatediso e e thusang go thibela diwebosaete tse o tsenang mo go tsone gore di se romele dintlha ka go etela ga gago disaete di sele. Fa o tsena Lenaane la Tshireletso ya Tatediso, Internet Explorer e tla thibela dilwana tsa ditlamo di sele, go akaretsa le dikhukhi gore di se ka tsa tsena mo saeteng epe e e thathamisitsweng mo saeteng nngwe ka gonne e thibetswe. Ka go laola makgetlho a go tsena mo disaeteng tseno, Internet Explorer e tla lekanyetsa tshedimosetso e disaete di sele di ka e kokoanyang ka wena. Mme fa o dirile gore Lenaane la Tshireletso ya Tatedisiso le dire, Internet Explorer e tla romela molaetsa wa O se Ka wa Latedisisa le ditlhopho tsa gago kwa webosaeteng e o yang kwa go yone. Mo godimo ga moo, Internet Explorer 10 o ka kgona go "tima" kgotsa go "tshuma" DNT e le yosi, fa o rata jalo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng kaga Manaane a Tshireletso ya Tatediso le O se Ka wa Latedisa, tsweetswee bona seteitement sa bosephiri sa Internet Explorer kgotsa Thuso ya Internet Explorer.
Dikhampani tse di pabatsang tsa motho ka nosi gape di ka nna tsa neelana ka bokgoni jwa tsone jwa go tswa go kopanyeletsa le ditlhopho tse di tswetseng pele tsa go bapatsa. Ka sekai, ditlhopho tsa Microsoft tsa go bapatsa le dilaodi tsa go tswa di teng go http://choice.live.com/advertisementchoice/. Tsweetswee ela tlhoko gore go tlhopha go tswa ga go reye gore o ka se tlhole o amogela dipapatso kgotsa o tla bona dipapatso di se kae; le fa go le jalo, fa o sa tlhophe go tswa, dipapatso tse o di amogelang di ka se tlhole e le tsa itshwaro tse di tobileng. Mo godimo ga moo, go tlhopha go tswa ga go thibele tshedimosetso gore e se ka ya ya kwa disefareng tsa rona, mme gone e emisa go tlhama kgotsa go tsosolosa diporofaele tse di ka nnang tsa bo di dirisiwa mo dipapatsong tse di itebagantseng wena.
Go Dirisa ga Rona di-Web Beacon
Ditsebe di le dintsi tsa Microsoft di ka nna tsa bo di tsentse ditshwantsho tse di bidiwang di-web beacon - tse ka nako tse dingwe di bidiwang di-gifs tsa pikisele e le nngwe - tse di ka nnang tsa dirisiwa go thusa go tlisa dikhukhi mo disaeteng tsa rona, di re thusa go bala badirisi ba ba tlileng mo ditsebeng tseo le go tlisa ditirelo tse dingwe tse di tshwanang. Re ka nna ra akaretsa dibikhone tsa Webo mo melaetseng ya imeile ya go bapatsa kgotsa mo makwalodikgannyeng a rona go lemoga fa melaetsa e ile ya bulwa le go tsaya kgato ya yone.
Gape re ka nna ra bereka le ditlamo tse dingwe tse di bapatsang mo disaeteng tsa Microsoft go tsenya di-web beacon mo disaeteng tsa bone kgotsa mo dibapatsong tsa bone go re thusa go dira dipalopalo tsa kafa re ka tobetsang ka gone mo papatsong mo diphelelong tsa saete ya Microsoft mo thekong kgotsa mo go sepe se sengwe se se dirwang mo saeteng ya mmapatsi.
Kwa bofelong, ditsha tsa Microsoft di ka nna tsa nna le dibikhone tsa webo go tswa go batho ba boraro go re thusa go kopanya palokakaretso ya dipalopalo malebana le go dira ga matsholo a rona a go bapatsa kgotsa ditiragatso tse dingwe mo ditsheng tsa webo. Dibikhone tseno tsa webo di ka nna tsa letla batho ba boraro go rulaganya kgotsa go buisa khukhi mo khomphiuthareng ya gago. Re iletsa batho ba boraro go dirisa dibikhone tsa webo mo ditsheng tsa rona go kgobokanya kgotsa go bona tetlelesego ya tshedimosetso ya gago ya sebele. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa kgona go tswa go kgobokanyo ya tshedimosetso kgotsa go dirisiwa ke ditshekatsheki tsa dikhampani tseno tsa motho wa boraro ka go tobetsa kgokagano ya baabi ba nngwe le nngwe ya ditshekatsheki tse di latelang:
Dikhukhi le Dithekenoloji tse Dingwe
Mo godimo ga dikhukhi tse di tlwaelegileng le dibikhone tsa webo,ditsha tsa webo di ka dirisa botegeniki jo bongwe go boloka kgotsa go buisa difaele tsa tshedimosetso mo khomphiuthareng ya gago. Seno se ka dirwa go tsweletsa pele ditlhopho tsa gago kgotsa go tokafatsa lobelo le go diragatsa ka go boloka difaele dingwe mo lefelong la selegae. Mme gone, fela jaaka dikhukhi tse di tlwaelegileng, gape di ka dirisediwa go boloka setlhaodi se se kgethegileng bakeng sa khomphiuthara ya gago, se jaanong se ka dirisediwang go latedisa boitshwaro. Botegeniki jono bo akaretsa Dilwana tse di Abelanwang tsa Selegae (kgotsa "Dikhukhi phatshimo") le Polokelo ya Tiriso ya Silverlight.
Dilwana tse di Abelanwang tsa Selegae kgotsa "Dikhukhi phatsimo." Ditsha tsa webo tse di dirisang botegeniki jwa Adobe Flash di ka dirisa Dilwana tse di Abelanwang tsa Selegae kgotsa "Dikhukhi phatsimo" go boloka tshedimosetso mo khomphiuthareng ya gago. Ela tlhoka gore bokgoni jwa go phimola dikhukhi Phatsimo bo ka nna kgotsa jwa seka jwa laolwa ke dithulaganyo tsa gago tsa sebatli bakeng sa dikhukhi tse di tlwaelegileng e re ka seno se ka farologana go ya ka sebatli. Go laola kgotsa go thibela dikhukhi tsa Phatsimo, e ya go http://www.macromedia.com/support/documentation/en/flashplayer/help/settings_manager.html.
Polokelo ya Tiriso ya Silverlight. Ditsha tsa webo kgotsa ditiriso tse di dirisang botegeniki jwa Microsoft Silverlight gape di na le bokgoni jwa go boloka tshedimosetso ka go dirisa Polokelo ya Tiriso ya Silverlight. Go ithuta ka kafa o ka laolang kgotsa wa thibela ka teng polokelo e e jalo, etela Silverlight.
Microsoft e kgobokanya mefuta e le mentsi ya tshedimosetso e le gore e tsamaise dilo ka botswerere le go go neela dikumo tse di gaisang segolo, ditirelo le maitemogelo ka mo re ka kgonang.
Re kgobokanya tshedimosetso fa o ikwadisa, o tsena tirong le go dirisa ditsha le ditirelo tsa rona. Gape re ka nna ra bona tshedimosetso go tswa go dikhampani tse dingwe.
Re kgobokanya tshedimosetso ka ditsela tse di farologaneng, go akaretsa go tswa go diforomo tsa webo, botegeniki tse di jaaka dikhukhi, , tseno go webo le serweboleta sa khomphuithara ya gago kgotsa sediriswa se sengwe.
Microsoft e kgobokanya mefuta e le mentsi ya tshedimosetso e le gore e tsamaise dilo ka botswerere le go go neela dikumo tse di gaisang segolo, ditirelo le maitemogelo ka mo re ka kgonang. Nngwe ya tshedimosetso eno o re e neela ka tlhamalalo. Nngwe ya yone re e bona ka go ela tlhoko kafa o dirisanang ka teng le dikumo le ditirelo tsa rona. Nngwe ya yone re e bona ka go ela tlhoko kafa o dirisanang ka teng le dikumo le ditirelo tsa rona. Go sa kgathalesege gore re dirisa motswedi ofe, re dumela gore go tlhokomela sentle tshedimosetso eno le go go thusa go boloka bosephiri jwa gago.
Se re se kgobokanyang:
Kafa re kgobokanyang ka teng:
Re dirisa mekgwa e mentsi le botegeniki go kokoanya tshedimosetso ya kafa o dirisang ditsha le ditirelo tsa rona ka teng, e e jaaka:
Microsoft e dirisa tshedimosetso e re kgobokanyang go dira, go tokafatsa le go go neela motho ka nosi dikuno le ditirelo tse re di neelang.
Gape re dirisa tshedimosetso eno go tlhaeletsana le wena, ka sekai, go go itsise ka akhaonto ya gago le ditlhabololo tsa tshireletsego.
Re ka dirisa tshedimosetso eno go thusa go dira gore dipapatso tse o di bonang mo ditirelong tsa rona tse di tshegediwang ke papatso di nne maleba le go feta.
Microsoft e dirisa tshedimosetso e re e kgobokanyang go dira, go tokafatsa le go go neela motho ka nosi dikuno le ditirelo tse re di neelang. Tshedimosetso e e kgobokanngwang ke nngwe ya tirelo ya Microsoft e ka nna ya kopanngwa le tshedimosetso e e kgobokantsweng ke ditirelo tse dingwe tsa Microsoft go go neela maitemogelo a a sa fetogeng le a motho ka nosi fa o ntse o dirisana le rona. Gape re ka emisetsa seno ka tshedimosetso go tswa go dikhampani tse dingwe. Ka sekai, re ka dirisa ditirelo go tswa go dikhampani tse dingwe go re thusa go ntsha lefelo kakaretso la thutafatshe re go aterese ya gago ya IP e le gore re tlwaelanye ditirelo tse di rileng le lefelo la gago la thutafatshe.
Gape re ka nna ra dirisa tshedimosetso go tlhaeletsana le wena, ka sekai, go go itsise gore ikwadiso e khutla leng, go go itsise gore ditlhabololo tsa tshireletso di nna teng leng kgotsa go go itsise gore o tlhoka leng go tsaya kgato gore o boloke akhaonto ya gago e dira.
Microsoft e neelana mahala ka bontsi jwa ditsha le ditirelo tsa rona ka gonne di tshegediwa ke go bapatsa. anamisiwe, tshedimosetso e re e kgobokanyang e ka dirisiwa go thusa go tokafatsa dipapatso tse o di bonang ka go dira gore di nne maleba le go feta mo go wena.
Ntle le jaaka fa go tlhalositswe mo seteitementeng seno sa bosephiri, ga re kitla re utulola tshedimosetso ya gago ya sebele go motho wa boraro kwantle ga tumelelo ya gago.
Tsweetswee bona Tshedimosetso e Nngwe ya Bosephiri e e Botlhokwa go bona dintlha kaga gore ke leng re ka utulolang tshedimosetso, go akaretsa le balekane ba Microsoft le baabi ba ditirelo; fa re laelwa jalo ke molao kgotsa re tsibogela tsamaiso ya semolao; go lwantshana le tsietso kgotsa go sireletsa dikgatlhego tsa rona; kgotsa go sireletsa matshelo.
Tobetsafano go bona tshedimosetso e nngwe kaga go abelana kgotsa go utulola tshedimosetso ya sebele:
Ditirelo dingwe tsa Microsoft di go naya bokgoni jwa go leba kgotsa go tseleganya tshedimosetso ya gago ya sebele mo inthaneteng. Go go thusa go thibela gore tshedimosetso ya gago ya sebele e seka ya lejwa ke batho ba bangwe, o tshwanetse sa ntlha wa tsena tirong. Gore o ka bona jang tetlelesego mo tshedimosetsong ya gago ya sebele go tla ikaega ka gore ke ditsha dife kgotsa ditirelo tse o di dirisitseng.
Microsoft.com - O ka bona tetlelesego le go tlhabolola porofaele ya gago go microsoft.com ka go etela Microsoft.com Setheo sa Porofaele sa Microsoft.com.
Thomelomolato ya Microsoft le Ditirelo tsa Akhaonto - Fa o na le akhaonto ya Thomelolomolato ya Microsoft, o ka tlhabolola tshedimosetso ya gago kwa setsheng sa webo sa Thomelomolato sa Microsoft ka go tobetsa go dikgokagano tsa "Tshedimosetso ya Sebele" kgotsa "Tshedimosetso ya Thomelomolato".
Golaganya Microsoft - Fa e le gore o modirisi yo o kwadisitsweng wa Golaganya Microsoft, o ka bona tetlelesego le go tlhabolola tshedimosetso ya gago ka go tobetsa Laola Porofaele ya Gago ya Golaganya go setsa wa webo sa Golaganya Microsoft.
Windows Live - Fa e le gore o dirisitse ditirelo tsa Windows Live, o ka tlhabolola tshedimosetso ya gago ya porofaele, wa fetola khunololamoraba, wa leba ID ya gago e e kgethegileng e e amanang le boitshupi jwa gago, kgotsa wa tswala diakhaonto dingwe ka go etela Ditirelo tsa Akhaonto tsa Account Services.
Porofaele ya Batho Botlhe ya Windows Live - Fa e le gore o tlhamile porofaele ya batho botlhe go Windows Live, o ka nna gape wa tseleganya kgotsa wa phimola tshedimosetso mo porofaeleng ya gago ya batho botlhe ka go ya go porofaele ya gago ya Windows Live profile.
Batla go Bapatsa - Fa e le gore o reka go batla go bapatsa ka Go Bapatsa ga Microsoft, o ka sekaseka le go tseleganya tshedimosetso ya gago ya sebele go Setsha sa Webo sa Setheopapatso sa Microsoft.
Diporokeramo tsa Molekane wa Microsoft - Fa e le gore o ikwadiseditse Diporokeramo tsa Molekane wa Microsoft, o ka sekaseka le go tseleganya porofaele ya gago ka go tobetsa Laola Akhaonto ya Gago mo setsheng sa Webo sa Porokeramo ya Molekane.
Xbox - Fa e le gore o modirisi wa Xbox LIVE kgotsa Xbox.com, o ka leba kgotsa wa tseleganya tshedimosetso ya gago ya sebele, go akaretsa tshedimosetso ya thomelomolato le akhaonto, dithulaganyo tsa bosephiri, pabalesego ya inthanete le ditlhopho tsa go abelana tshedimosetso ka tetlelesego ya My Xbox go bolaolatsamaiso jwa Xbox 360 kgotsa go setsha sa webo sa Xbox.com. Go bona tshedimosetso ya akhaonto tlhopha My Xbox, Diakhaonto. Go bona dithulaganyo tse dingwe tsa tshedimosetso ya sebele, tlhopha My Xbox, Porofaele, morago ga moo Dithulaganyo tsa Pabalesego ya Inthanete.
Zune - Fa e le gore o na le akhaonto ya Zune kgotsa ikwadiso ya go Feta ga Zune, o ka leba le go tseleganya tshedimosetso ya gago ya sebele go Zune.net (tsena tirong, bona tetlelesego ya theke ya Zune morago ga moo Akhaonto ya Me) kgotsa ka serweboleta sa Zune tsena tirong, bona tetlelesego ya theke ya Zune, morago ga moo tlhopha porofaele ya Zune.net.).
Fa go direga gore o se kgone go bona tetlelesego ya tshedimosetso ya sebele e e kgobokantsweng ke ditsha tsa Microsoft kgotsa ditirelo ka dikgokagano tse di fa godimo, ditsha tseno le ditirelo di ka go neela mefuta e sele ya tetlelesego go tshedimosetso ya gago. O ka ikgolaganya le Microsoft ka go dirisa foromo ya webo. Re tla tsibogela dikopo tsa gago tsa tetlelesego kgotsa go phimola tshedimosetso ya gago ya sebele mo sebakeng sa malatsi a le 30.
Fa setsha kgotsa tirelo ya Microsoft e kgobokanya tshedimosetso ya dingwaga, e tla kganela badirisi ba ba kafa tlase ga dingwaga di le 13 kgotsa e bone tumelelo go tswa go motsadi kgotsa motlhokomedi pele ga ngwana wa bone a ka e dirisa.
Fa tumelelo e rebotswe, akhaonto ya ngwana e tsewa fela jaaka akhaonto e nngwe le nngwe, go akaretsa le go kgona go tlhaeletsana le badirisi ba bangwe.
Batsadi ba ka fetola kgotsa ba khansela tumelelo jaaka fa go tlhalositswe go Seteitemente sa Bosephiri.
Fa setsha kgotsa tirelo ya Microsoft e kgobokanya tshedimosetso ya dingwaga, e tla kganela badirisi ba ba kafa tlase ga dingwaga di le 13 kgotsa e tla ba kopa gore ba bone tumelelo go tswa go motsadi kgotsa motlhokomedi pele ba ka e dirisa. Ga re kake ra kopa bana ba ba kafa tlase ga dingwaga tse 13 ka bomo fela go neela tshedimosetso e nngwe go na le e e lekaneng go neelana ka tirelo.
Fa tumelelo e rebotswe, akhaonto ya ngwana e tsewa fela jaaka akhaonto e nngwe le nngwe. Ngwana e ka bona tetlelesego ya ditirelo tsa tlhaeletsano tse di jaaka imeile, molaetsa wa ka bonako le diboto tsa molaetsa wa mo inthaneteng mme a ka kgona go tlhaeletsana a gololesegile le badirisi ba bangwe ba dingwaga tsotlhe.
Batsadi ba ka fetola kgotsa ba khansela ditlhopho tsa tumelelo tse di dirilweng mo nakong e e fetileng, go sekaseka, go tseleganya kgotsa go kopa gore tshedimosetso ya bana ba bone ya sebele e phimolwe. Ka sekai, mo go Windows Live, batsadi ba ka etela Akhaonto ya bone, ba bo ba tobetsa "Ditetla tsa Batsadi".
Bontsi jwa go bapatsa ga mo inthaneteng ga ditsha tsa Microsoft le ditirelo go bontshiwa ke Go Bapatsa ga Microsoft. Fa re go bontsha dipapatso tsa mo inthaneteng, re tla baya dikhukhi e le nngwe kgotsa go feta e le gore re lemoge khomphiuthara ya gago fa re go bontsha papatso. Fa nako e ntse e ya, re ka nna ra kgobokanya tshedimosetso go tswa go ditsha tse re neelanang ka dipapatso mo go tsone re bo re dirisa tshedimosetso eno go re thusa go neelana ka dipapatso tse di maleba le go feta.
O ka tlhopha go tswa mo go amogeleng dipapatso tse di go totileng go tswa go Go Bapatsa ga Microsoft ka go etela tsebe ya tlhopha go tswa ya rona.
Bontsi jwa ditsha tsa rona tsa webo le ditirelo tsa mo inthaneteng di tshegediwa ke dipapatso.
Bontshi jwa dipapatso tsa mo inthaneteng mo ditsheng tsa Microsoft le ditirelo di bontshiwa ke Go Bapatsa ga Microsoft. Fa re go bontsha dipapatso tsa mo inthaneteng, re tla baya dikhukhi e le nngwe kgotsa go feta tse di tswelelang e le gore re lemoge khomphiuthara ya gago fa re go bontsha papatso. E re ka re neelana ka dipapatso mo ditsheng tsa rona tsa webo mmogo le tsa balekane ba rona ba go bapatsa le ba bogatisi, re kgona go kokoanya tshedimosetso fa nako e ntse e ya kaga mefuta ya ditsebe, diteng le dipapatso tse wena, kgotsa ba bangwe ba ba dirisang khomphuithara ya gago, ba di etetseng kgotsa go di leba. Tshedimosetso eno e dirisediwa maikaelelo a le mantsi, ka sekai, e re thusa go leka go tlhomamisa gore ga o bona dipapatso tse di tshwanang kgapetsa kgapetsa. Gape re dirisa tshedimosetso eno go thusa go tlhopha le go bontsha dipapatso tse di go totileng tse re di dumelang gore o ka di kgatlhegela.
O ka tlhopha go tswa mo go amogeleng dipapatso tse di go totileng go tswa go Go Bapatsa ga Microsoft ka go etela tsebe ya tlhopha go tswa ya rona. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka kafa Go Bapatsa ga Microsoft go kgobokanyang le go dirisa tshedimosetso ka gone, tsweetswee bona Tlaleletso ya Bosephiri ya go Bapatsa ga Microsoft.
Gape re letla dikhampani tsa boraro tsa dipapatso, go akaretsa le mafaratlhatlha a mangwe a dipapatso, gore di bontshe dipapatso mo ditsebeng tsa rona. Mo maemong mangwe, batho bano ba boraro ba ka nna ba baya dikhukhi mo khomphuithareng ya gago. Dikhampani tseno ga jaana di akaretsa, mme ga di a lekanyediwa fela go: 24/7 Real Media, adblade, AdConion, AdFusion, Advertising.com, AppNexus, Bane Media, Brand.net, CasaleMedia, Collective Media, InMobi, Interclick, Jumptap, Millennial Media, Nugg.ad AG, Mobclix, Mojiva, SpecificMedia, Tribal Fusion, ValueClick, Where.com, Yahoo!, YuMe, Zumobi. Dikhampani tseno di ka nna tsa rebolela tsela ya go tlhopha go tswa go dipapatso tse di go totileng go ikaegile ka dikhukhi tsa bone. O ka bona tshedimosetso e nngwe ka go tobetsa mo maineng a khampani a a fa godimo o bo o latela dikgokagano go ya go ditsha tsa Webo tsa khampani nnngwe le nngwe. Bontsi jwa tsone gape ke maloko a Letsholo la go Bapatsa ga Mafaratlhatlha kgotsa Kgolagano ya go Bapatsa ga Dijethale, e nngwe le nngwe ya tsone e neelanang ka tsela e e motlhofo ya go itlhophela go tswa mo go bapatseng go go go totileng go tswa mo dikhampaning tse di tsayang karolo.
O ka emisa go romelwa ga imeile ya papatso go tswa go ditsha sa Microsoft kgotsa ditirelo ka go latela ditaelo tse di tobileng tse di mo imeileng e o e amogelang. Go ikaegile ka tirelo e e maleba, gape o ka nna le seitlhophelwa sa go tseokgatopele ka go itirela ditlhopho malebana le kamogelo ya imeile ya papatso, go lelediwa mogala, kgotsa meile ya poso go tswa go ditsha kgotsa ditirelo tse di rileng tsa Microsoft.
Fa o amogela di-imeile tsa papatso go tswa mo go rona mme o ka rata gore o seka wa tlhola o di amogela mo isagweng, o ka dira jalo ka go latela dikaelo tse di latelang mo molaetseng oo.
Go ikaegile ka tirelo e e maleba, gape o ka nna le seitlhophelwa sa go tseokgatopele ka go itirela ditlhopho malebana le kamogelo ya imeile ya papatso, go lelediwa mogala, kgotsa meile ya poso go tswa go ditsha kgotsa ditirelo tse di rileng tsa Microsoft ka go etela le go tsena tirong mo ditsebeng tse di latelang:
Ditlhopho tseno ga di dire mo go bontshiweng ga go bapatsa mo inthaneteng: tsweetswee lebelela karolo ya "Go Bontshiwa ga go Bapatsa (Tlhopha go tswa)" go bona tshedimosetso mo kgannyeng eno. Gape ga di dire mo go amogeleng ga tirelo ya tlhaeletsano ga patelesego go go tsewang e le karolo ya ditirelo dingwe tsa Microsoft, tse o ka nnang wa di amogela nako le nako ntle le fa o ka khansela tirelo.
Akhaonto ya Microsoft (e pele e neng e itsege jaaka Windows Live ID le Pasepoto ya Microsoft) ke tirelo e e go letlang go tsena mo teng ga dikumo tsa Microsoft, ditsha tsa webo le ditirelo, go akaretsa le tseo di tlhophilweng tsa balekane ba Microsoft. Fa o tlhama akhaonto ya Microsoft, re go kopa gore o re neele tshedimosetso e e rileng. Fa o tsena tirong go setsha kgotsa tirelo o dirisa akhaonto ya gago ya Microsoft, re kgobokanya tshedimosetso e e rileng e le gore re netefatse boitshupo jwa gago mo boemong jwa setsha kgotsa tirelo, go go sireletsa mo tirisong e e senyang ya akhaonto, le go sireletsa go dira sentle le pabalesego ya tirelo ya akhaonto ya Microsoft. Gape re romela tshedimosetso e e rileng go setsha kgotsa tirelo e o tseneng tirong go yone ka akhaonto ya gago ya Microsoft.
Go leba dintlha tse di oketsegileng kaga akhaonto ya Microsoft, go akaretsa kafa o ka tlhamang le go dirisa ka teng akhaonto ya Microsoft, kafa o ka tseleganyang tshedimosetso ya akhaonto, le kafa o ka kgobokanyang le go dirisa tshedimosetso e e amanang le akhaonto ya Microsoft ka teng, tsweetswee tobetsa go Ithute mo Gongwe.
Akhaonto ya Microsoft (e pele e neng e itsege jaaka Windows Live ID le Pasepoto ya Microsoft) ke tirelo e e go letlang go tsena mo teng ga dikumo tsa Microsoft, ditsha tsa webo le ditirelo, go akaretsa le tseo di tlhophilweng tsa balekane ba Microsoft. Seno se akaretsa dikumo, ditsha tsa webo le ditirelo tse di jaaka tse di latelang:
Go tlhama akhaonto ya Microsoft.
O ka tlhama akhaonto ya Microsoft fano ka go neelana ka aterese ya imeile, khunololamoraba le "bosupi jwa akhaonto" jo bongwe, jo bo jaaka aterese ya imeile ya mofuta o sele, potso le karabo ya sephiri. Re tla dirisetsa "bosupi jwa akhaonto" ya gago ka boikaelelo jwa pabalesego fela - ka sekai, go netefatsa boitshupo jwa gago fa go ka direga gore ga o kgone go bona tetlelesego go akhaonto ya gago ya Microsoft mme o tlhoka thuso, kgotsa go rulaganyasešwa khunololamoraba ya gago fa o sa kgona go bona tetlelesego ya aterese ya imeile e e amanang le Akhaonto ya gago ya Microsoft. Ditirelo dingwe di ka tlhoka pabalesego e e oketsegileng, mme mo maemong ano, o ka nna wa kopiwa go tlhama taetsi ya pabalesego e e oketsegileng. Aterese ya imeile le khunololamoraba tse o di dirisang go tsena tirong go akhaonto ya gago ya Microsoft ke "boitshupi" jwa gago tse o tla di dirisetsang netefatso ya mafaratlhatlha a rona. Kwa bofelong, nomore ya ID e e kgethegileng ya 64-bit e tla abelwa boitshupi jwa gago jo bo tla dirisiwang go lemoga boitshupi jwa gago le tshedimosetso e e amanang le jone.
Fa o tlhama akhaonto ya Microsoft, re go kopa gore o re neele tshedimosetso e e latelang ya dipalo tsa merafe: boleng; naga; letlha la matsalo; le khoutu ya poso. Re ka nna ra dirisa letlha la matsalo go netefatsa gore bana ba bona tumelelo e e tshwanetseng go tswa go motsadi kgotsa motlhokomedi go dirisa akhaonto ya Microsoft, jaaka fa go tlhokega go ya ka molao wa selegae. Mo godimo ga moo, tshedimosetso eno ya dipalo tsa merafe e dirisiwa ke dithulaganyo tsa rona tsa go bapatsa mo inthaneteng go go neela go bapatsa go go tobileng wena kaga dikumo le ditirelo tse o ka di fitlhelang di le mosola, mme gone dithulaganyo tsa rona tsa go bapatsa le ka motlha ga di bone leina la gago kgotsa tshedimosetso ya ikgolaganyo. Ka mantswe a mangwe, dithulaganyo tsa rona tsa go bapatsa ga di na kgotsa ga di dirise tshedimosetso epe e e ka go supang ka namana ka tlhamalalo (e e jaaka leina la gago, aterese ya imeile le nomore ya mogala). Fa o sa rate go ka amogela dipapatso tse di tobileng ka namana, o ka nna wa kwadisa ditlhopho tsa gago le akhaonto ya Microsoft ka go etela tsebe eno e le gore leng fela fa o tsena tirong go ditsha tsa webo le ditirelo ka akhaonto ya gago ya Microsoft, dithulaganyo tsa rona tsa go bapatsa di ka se go neele dipapatso tse di tobileng wena. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka kafa Microsoft e dirisang tshedimosetso ka gone go bapatsa, tsweetswee bona Tlaleletso ya Bosephiri ya go Bapatsa ga Microsoft.
O ka nna wa dirisa aterese ya imeile e e neelwang ke Microsoft (e e jaaka tse di felelang ka live.com, hotmail.com, kgosa msn.com) kgotsa aterese ya imeile e e neetsweng ke motho wa boraro (e e jaaka tse di feleang ka gmail.com kgotsa yahoo.com) fa o ikwadisetsa akhaonto ya gago ya Microsoft.
Fa o setse o tlhamile akhaonto ya Microsoft, re tla go romelela imeile e e go kopang go netefatsa gore o mong wa aterese ya imeile e e amanang le akhaontho ya gago ya Microsoft. Seno se diretswe go supa netefatso ya aterese ya imeile le go thusa go thibela diaterese tsa imeile gore di seka tsa dirisiwa ntle le tetla ya beng ba tsone. Morago ga moo, re tla dirisa aterese ya imeile go romela tlhaeletsano e e amanang le go dirisa ga gago dikumo le ditirelo tsa Microsoft; gape re ka nna ra go romelela di-imeile tsa papatso kaga dikumo le ditirelo tsa Microsoft jaaka fa go letleletswe ke molao wa selegae. Go bona tshedimosetso kaga go laola go amogela ga gago ditlhaeletsano tsa papatso, tsweetswee etela Ditlhaeletsano.
Fa o leka go ikwadisetsa akhaonto ya Microsoft o bo o fitlhela gore motho mongwe o setse a tlhamile boitshupi ka aterese ya gago ya imeile le leina tiriso, o ka nna wa ikgolaganya le rona o bo o kopa gore motho yoo a dirise leina tiriso le le farologaneng e le gore o ka dirisa aterese ya gago ya imeile fa o tlhama boitshupi jwa gago.
Fa o tsena tirong go serweboleta, ditsha kgotsa ditirelo ka akhaonto ya gago ya Microsoft.
Fa o tsena tirong go setsha kgotsa tirelo o dirisa akhaonto ya gago ya Microsoft, re kgobokanya tshedimosetso e e rileng e le gore re netefatse boitshupo jwa gago mo boemong jwa setsha kgotsa tirelo, go go sireletsa mo tirisong e e senyang ya akhaonto, le go sireletsa go dira sentle le pabalesego ya tirelo ya akhaonto ya Microsoft. Ka sekai, fa o tsena tirong, tirelo ya akhaonto ya Microsoft e amogela le go tsenya boitshupo jwa gago le tshedimosetso e nngwe, aterese ya gago ya IP, mofuta wa sebatli sa webo mmogo le nako le letlha. Mo godimo ga moo, fa o dirisa akhaonto ya Microsoft go tsena tirong mo sedirisweng kgotsa go serweboleta se se tsentsweng mo sedirisweng, ID e e kgethegileng e e sa rulaganngwang go sediriswa; ID eno e e kgethegileng e e sa rulaganngwang e tla romelwa e le karolo ya boitshupi jwa gago go tirelo ya akhaonto ya Microsoft fa kgabagare o tsena tirong go setsha kgotsa tirelo ka akhaonto ya gago ya Microsoft. Tirelo ya akhaonto ya Microsoft e romela tshedimosetso e e latelang go setsha kgotsa tirelo e e tseneng tirong go yone: nomore e e kgethegileng ya ID e e letlang setsha kgotsa tirelo go swetsa gore a ke wena yole go tswa go tiro ya go tsena tirong e nngwe go ya go e nngwe; mofuta wa nomore e e abetsweng akhaonto ya gago (nomore e ntšha e abiwa nako le nako fa o fetola tshedimosetso ya gago ya go tsena tirong); fa e le gore aterese ya gago ya imeile e tlhomamisitswe; le fa e le gore akhaonto ya gago e ile ya ntshiwatirong.
Ditsha dingwe tsa motho wa boraro le ditirelo tse di go letlang go tsena tirong ka akhaonto ya gago ya Microsoft e tlhoka aterese ya gago ya imeile gore di go neele ditirelo tsa tsone. Mo maemong ao, fa o tsena tirong, Microsoft e tla neelana ka aterese ya gago ya imeile mme e seng khunololamoraba ya gago go setsha kgotsa tirelo. Le fa go ntse jalo, fa o tlhamile boitshupi jwa gago le setsha kgotsa tirelo, e ka nna ya nna le tetlelesego e e lekanyeditsweng go tshedimosetso e e amanang le boitshupi jwa gago e le go go thusa go rulaganyasešwa khunololamoraba kgotsa go neela ditirelo tse dingwe tsa tshegetso.
Fa o amogetse akhaonto ya gago go tswa go motho wa boraro, jaaka sekolo, kgwebo, moabi wa tirelo ya inthanete, kgotsa motsamaisi wa bonno jo bo laolwang, motho yoo wa boraro a ka nna a nna le ditshwanelo mo akhaontong ya gago, go akaretsa bokgoni jwa go rulaganyasešwa khunololamoraba ya gago, go leba tiriso ya akhaonto kgotsa tshedimosetso ya porofaele, buisa kgotsa go boloka diteng mo akhaontong ya gago, le go emisa kgotsa go khansela akhaonto ya gago. Mo maemong ano, o kafa tlase ga Tumalano ya Tirelo ya Microsoft le go melawana epe fela e e oketsegileng ya tiriso go tswa go motho yoo wa boraro. Fa e le gore o motsamaisi wa bonno jo bo laolwang mme o neetse badirisi ba gago akhaonto ya Microsoft, o tla ikarabelela bakeng sa ditiro tsotlhe tse di nnang teng mo teng ga diakhaonto tse di jalo.
Tsweetswee ela tlhoko gore ditsha le ditirelo tse di go letlang go tsena tirong ka akhaonto ya gago ya Microsoft di ka dirisa kgotsa go abelana aterese ya imeile kgotsa tshedimosetso e nngwe ya ka namana e o ba e neelang jaaka fa go tlhalositswe mo diteitementeng tsa bone tsa bosephiri. Le fa go ntse jalo, di ka nna tsa abelana nomore ya ID e e kgethegileng e di e neilweng ke tirelo ya akhaonto ya Microsoft le motho wa boraro e le go diragatsa tirelo kgotsa pataganyotiragatso tse o ka tswang o di kopile. Ditsha kgotsa ditirelo tsotlhe tse di dirisang akhaonto ya Microsoft di tlhokiwa gore di nne le seteitemente sa bosephiri se se positsweng, mme ga re laole kgotsa go ela tlhoko mekgwa ya bosephiri ya ditsha tseo, mme mekgwa ya bosephiri ya tsone e tla farologana. O tshwanetse go sekaseka ka kelotlhoko seteitemente sa bosephiri sa setsha sengwe le sengwe se go tsenang tirong mo go sone e le go lemoga kafa setsha sengwe le sengwe kgotsa tirelo e tla dirisang ka teng tshedimosetso e e kgobokanyang.
O ka bona tetlelesego go tshedimosetso ya gago ya ka namana ka go ya go akhaonto. O ka fetola leina la gago la modirisi fa akhaonto ya gago ya Microsoft e se ya bonno jo bo laolwang. O ka kgona go fetola khunololamoraba, aterese ya imeile e sele, potso le karabo ya sephiri tsa gago ka dinako tsotlhe. Gape o ka nna wa tswala akhaontoya gago ya Microsoft ka go ya go akhaonto, morago ga moo go "Tswala akhaonto ya gago." Fa akhaonto ya gago e le mo bonnong jo bo laolwang, jaaka fa go tlhalositswe fa godimo, go ka nna ga nna le tsela e e kgethegileng ya go tswala akhaonto ya gago. Tsweetswee ela tlhoko gore fa o le modirisi wa MSN kgotsa Windows Live, fa o ya go akhaonto, o ka nna wa lebisiwa go sele go akhaonto ya ditsha tseo.
Tshedimosetso e nngwe kaga akhaonto ya Microsoft e teng go setsha sa webo sa akhaonto ya Microsoft.
Ithute mo go oketsegileng ka
Fa tlase fano o tla bona tshedimosetso e e oketsegileng e o ka nnang wa e fitlhela (kgotsa wa se e fitlhele) e le botlhokwa. Bontsi jwa yone e tlhalosa dilo tse di tlwaelegileng tse re batlang gore o di itse mme re sa tseye gore go botlhokwa gore re di gatelele mo polelong nngwe le nngwe ya rona ya khupamarama. Mme dingwe tsa dilo tseno ke go bolela fela dilo tse di itsegeng (ka sekai, re tla senola tshedimosetso nngwe fa molao o batla gore re dire jalo), mme boramolao ba rona ba re re di bue fela. Tsweetswee gakologelwa gore tshedimosetso eno ga e tlhalose ka botlalo ditiro tsa rona - gotlhe gone ke mo godimo ga tshedimosetso e nngwe, e e tlhamaletseng e e mo dipolelong tsa khupamarama tsa sedirwa sengwe le sengwe sa Microsoft le tirelo e o e dirisang.
Mo tsebeng eno:
Go Senola le go Bolelela ba Bangwe Tshedimosetso ya Gago ya Sephiri
Mo godimo ga go abelana gope ka tshedimosetso go go tlhalosiwang mo polelong eno ya sephiri ya sedirwa kgotsa tirelo e o e dirisang, Microsoft e ka nna ya senola kgotsa ya naya ba bangwe tshedimosetso e e kaga gago:
Gape re ka nna ra ntsha tshedimosetso ya motho ya sephiri, go akaretsa le dintlha tsa metlotlo ya rona:
Tsweetswee ela tlhoko gore disaete tsa rona di ka nna tsa bo di na le dikgokagano le disaete tsa ditlamo tse dingwe tse melao ya tsone ya khupamarama e ka nnang ya bo e sa tshwane le ya Microsoft. Fa o ntsha tshedimosetso ya gago ya sephiri mo go nngwe ya disaete tseno, tshedimosetso ya gago e laolwa ke dipolelo tsa sephiri tsa disaete tseo. Re go kgothaletsa go sekaseka dipolelo tsa khupamarama tsa saete nngwe le nngwe e o tsenang mo go yone.
Go Sireletsa Pabalesego ya Tshedimosetso e e Kaga Gago
Microsoft e ikemiseditse go sireletsa pabalesego ya tshedimosetso e e kaga gago ya sephiri. Re dirisa dithekenoloji tse di farologaneng tsa pabalesego le dithulaganyo go re thusa go sireletsa tshedimosetso e e kaga gago gore e se ka ya bonwa ke batho ba ba se nang tetla ya go e bona, go e dirisa kgotsa go e senola. Ka sekai, re tsenya tshedimosetso e e kaga gago e o re nayang yone mo khomputareng e e dirisiwang ke batho ba le mmalwa fela e bile e le mo lefelong le le disitsweng. Fa re tsamaisa tshedimosetso e e khupamarama thata (e e tshwanang le nomoro ya credit card kgotsa password) ka Inthanete, re dirisa mokgwa o o rileng go e sireletsa o o tshwanang le molao wa Secure Socket Layer (SSL).
Fa go dirisiwa password go thusa go sireletsa akhaonto ya gago le tshedimosetso e e kaga gago, ke boikarabelo jwa gago go e boloka e le khupamarama. O se ka wa e bolelela ba bangwe. Fa o dirisa khomphuthara le ba bangwe, ka metlha saenolola pele ga o tswa mo lefelong leo kgotsa mo tirelong eo go dira gore tshedimosetso ya gago e se ka ya bonwa ke ba bangwe ba ba tla e dirisang morago ga gago.
Koo Tshedimosetso e Bewang Gone le go Rulaganngwa
Tshedimosetso e e kaga gago e e kokoanngwang mo disaeteng tsa Microsoft le ditirelo tsa teng e ka nna ya bewa le go rulaganngwa kwa United States kgotsa naga e nngwe e Microsoft le bomphato ba yone kgotsa ditirelong tsa yone di nang le mafelo gone. Microsoft e dira tumelanong le U.S.-EU Safe Harbor Framework le U.S.-Swiss Safe Harbor Framework jaaka go kaile U.S. Department of Commerce malebana le go tsewa, go dirisa le go boloka tshedimosetso go tswa mo European Economic Area, le Switzerland. Go ithuta mo gontsi ka porokeramo ya Safe Harbor, le go leba setifikeite sa rona, tsweetswee etela http://www.export.gov/safeharbor/.
E le karolo ya go nna le seabe ga Microsoft mo leanong la Safe Harbor, re dirisa TRUSTe, leloko le le ikemetseng la boraro, go rarabolola dikgotlhang tse o nang le tsone le rona malebana le dipholisi le mekgwa ya rona ya go dira dilo. Fa o rata go ikgolaganya le TRUSTe, tsweetswee etela https://feedback-form.truste.com/watchdog/request.
Microsoft e ka nna ya boloka tshedimosetso nngwe e e kaga gago ka ntlha ya mabaka a a farologaneng, a a tshwanang le go latela ditlamo tsa semolao, go rarabolola dikgotlhang, go dira gore se go dumalanweng ka sone se latelwe, le lebaka le leleele ka mo go tlhokegang ka gone go neelana ka ditirelo. Go bona gore o ka fitlhelela jang tshedimosetso e e kaga gago, etela Go Fitlhelela Tshedimosetso ya Gago.
Diphetogo Tse di Amanang le Dipolelo Tsa Rona Tsa Khupamarama
Nako le nako re tla tsenya tshedimosetso e e mo nakong mo dipolelong tsa rona tsa khupamarama go ya ka gore bareki ba reng, mmogo le diphetogo mo ditirelong tsa rona. Fa re kwala diphetogo tse di dirilweng mo polelong, re tla fetola letlha la "phetogo ya bofelo" kwa godimo tsa polelo eo. Fa go na le diphetogo tse di bonalang mo polelong kgotsa malebana le kafa Microsoft e tla dirisang tshedimosetso ya gago ka gone, re tla go itsise e ka tswa e le ka go baya kisitso ka tsela e e bonalang sentle e e tlhalosang ka phetogo eo pele ga e simolola go dirisiwa kgotsa ka go go romelela kitsiso ka tlhamalalo. Re go kgothaletsa gore nako le nako o sekaseke dipolelo tseno tsa khupamarama tsa dilwana tseno le ditirelo tseno tse o di dirisang gore o itse kafa Microsoft e sireletsang tshedimosetso ya gago ka teng.
Tsela ya go Ikgolaganya le Rona
Microsoft Privacy, Microsoft Corporation, One Microsoft Way, Redmond, Washington 98052 USA
Go bona bosemphato ba Microsoft mo nageng ya gaeno kgotsa mo karolong ya lona, bona http://www.microsoft.com/worldwide/.
FTC Ditseokgato tsa Bosephiri
Pabalesego kwa gae
Trustworthy Computing